Product Summary
Fa boammaaruri bo fifala, lerato le gagaba, mme boikgogomoso Bo foufatsa - ke dikgwetlho dife tse lelapa le di itemogelang? Diterama di le supa tsa Manyaapelo a Botshelo di lebile banna, basadi, barutwana le baagisani morago fa ba lebagane le dikgwetlho tse Di tsitsibanyang mmele tsa botshelo. Go tloga mo terameng ya ntlha ya Motho naka tsa tholo go ya go ya bofelo ya Dipipanapipe ga di bipelwe ruri, re bona boitumelo, kagiso le kutlwano di ya moribe fa go nna botlhoko, boferefere, letlhoo le go tlhoka boikanyego. Lokwalo lo lo gakolola gore mo botshelong tshwetso nngwe le nngwe e re e tsayang e na le ditlamorago tsa yona. Tshimologo ya tiragatso ya Setswana mo phaposing e e nang le didiriswa tsotlhe. Ngatana eno ya diterama e gwetlha babuisi iphitlhela ba le mo seraleng mme ba dire tlhopho e e maleba pele disiralesedi di ka digiwa.






